Weekend Post

Mmegi

The Midweek Sun

Sunday Standard

Botswana Gazette

Botswana Guardian

The Voice BW

The Patriot

Botswana Business Diary

Wednesday, September 12, 2012

Monana o itshetsa ka LIMID

12 September, 2012 : JWANENG - Mme Ethata Maipolelo, yo o tlholegang kwa Mahotshwane mo kgaolong ya Ngwaketse bophirima, ke mongwe wa ba ba akotseng mananeo a puso.

Mme Maipolelo, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe, o ne a fiwa dipodi tsa LIMID di le masome mabedi le borataro go akarediwa le phoko ka 2008, mme o kaya fa thuo e tokafaditse botshelo a bone.

Dipodi tse ke ne ke di tsaya kwa Kweneng, mme morago dingwe tsa tsone tsa holotsa ka tikologo ya kwano e farologana le kwa di tswang teng, a tlhalosa jalo.

E re ka jaana a goletse mo lelapeng la thuo, o ne a seka a kgobega marapo mme a tswelela ka go disa le go tlhokomela leruo la gagwe.

O supa fa a setse a kgonne go ikagela ntlo ya phaposi e nngwefela le ntlwana ya boitiketso ebile a isitse monnawe sekoleng go ithutela tsa boranyane ka go nna a ntse a rekisa fa dipodi di ata.

Maipolelo o bona fa lenaneo le le tokafaditse botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe ka jaana a kgonne go ntsha mmaagwe mo botlhoking ka a ne a ntse a fiwa dijo ke puso.

A re gape dipodi tse ke tsone di mo thusang go tsenya bana ba gagwe ba babedi sekole.

Mo bogompienong Maipolelo, yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, o tsweletse ka go rekisa dipodi tse dingwe gore a forome ditena a ikagele ntlo e kgolwane.

Katlego ya gagwe mo thuong e supa e dirwa ke maikemisetso a gagwe a go batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe.

Thuo ya dipodi ga e motlhofo ebile e batla motho yo o nang le maikaelelo ebile a le pelotelele.

Gompieno jaana ke ga metsi kwa sedibeng ke tla go nosetsa ka mokoro mo sakeng, selo se ke itseng gore bontsi jwa banana jaaka nna ba ka bona se le dingalo.

A re e re ka jaana go le mariga dipotsane di sa kgore mashi mo go bommaatso, o di rekela mashi a a nosiwang bana kwa mabenkeleng gore di tutuge.

O supile fa a dirisanya sentle le bakenti, ebile ba mo rutile go ikentela dipodi, ka jalo a sa tshwenngwe ke malwetse.

E re le fa a ntse a tsweletse a rekisa, o tlhalosa fa jaanong a ikaelela go oketsa lesaka gore dipodi tsa gagwe di phuthologe sentle ka jaana di ata.

Mo bogompienong o na le dipodi di le masome mane le boraro le dipotsane di le lesome le boferabobedi.

Maipolelo o boletse fa thuo e siame ka jaana puso e boa e reka gape mo go ene e neela ba bangwe ba basha mo LIMID.

A re o tlaa tlhokomela dipodi tsa gagwe. BOPA

No comments:

Blog Archive